100% found this document useful (1 vote)
2K views

Ntlhomole Mmutlwa (Tshekatsheko)

SETSWAMA NTLHOMOLE MMUTLWA
Copyright
© © All Rights Reserved
Available Formats
Download as PDF, TXT or read online on Scribd
100% found this document useful (1 vote)
2K views

Ntlhomole Mmutlwa (Tshekatsheko)

SETSWAMA NTLHOMOLE MMUTLWA
Copyright
© © All Rights Reserved
Available Formats
Download as PDF, TXT or read online on Scribd
You are on page 1/ 22

1

TSHEKATSEKO YA PADI YA ntlhomole mmutlwa


Mo tshekatshekong ya padi eno ya NTLHOMOLE MMUTLWA, re ya go ikaega thata ka dintlhanapopo kgotsa
diponagalo tse di latelang tsa Padi:

1. Poloto le Kanelo, Baanelwa, Puo le Setaele, Maitshetlego, Morero.

Pele ke tsena mo tshekatshekong, a ke leke go go ranolela mareo a ke a umakileng fa godimo ano.

1. Kanelo ke tatelano ya ditiragalo mo pading go tloga kwa tshimologong go ya kwa bokhutlhong.


2. Poloto ke tatelano ya ditiragalo mo pading go tloga kwa tshimologong go ya kwa bokhutlhong
di ntse di bontsha mabaka a a di tlholang, a di gapeletsa gore di direge.
3. Baanelwa ke batho ba maitlhomo/maitlhamelwa ba mokwadi a ba dirisang mo pading go
fetisetsa molaetsa wa gagwe kwa babuising.
4. Puo le Setaele go buiwa ka mokgwa o mokwadi a rulaganyang padi ya gagwe ka ona,
gammogo le ka tsela eo a dirisang puo ka yona gore a ke o dirisa puopoko kgotsa o dirisa puo e e
motsopodia kgotsa e e tlhamaletseng.
5. Maitshetlego ke boalo kgotsa lefelo le ditiragalo tsa padi le ikaegileng ka lona go akaretsa le
nako ya ditiragalo.
6. Morero ke se padi e buang ka ga sona. Se mokwadi a se tlhagisang ka padi ya gagwe. Re ka e
tsaya jaaka Kgang-kgolo ya padi kgotsa thitokgang.

1. TSHOSOBANYO YA KANELO
Kanelo ya padi eno ya ga rre Lobelo e tlhamaletse sentle. Ga e motsopodia e bile ga e latlhe babuise.
Mo go yona rre Lobelo o re tlhagisetsa le go totobatsa ntlha ya gore go le gantsi mo botshelong
ngwana ke ena a itlhophelang se a eletsang go nna sona le isago ya gagwe. Ga go bonolo gore
ngwana a ka dira se motsadi wa gagwe a se mo ratelang mo isagong gonne tota moremogolo go
betlwa wa taola mme wa motho o a ipetla. O re bontsha gore e e mašwi ga e itsale, ya itsala e itsala
motsalo o o maswe mme gape re kgona le go lemoga bokao jwa puo e e reng tloga-tloga e tloga gale,
modisa wa dikgomo o tswa natso sakeng. Ntlhomole mmutlwa e re tlhagisetsa gore isago ya motho
kgotsa bokamoso jwa motho bo mo diatleng tsa gagwe. Ke ena ka nosi yo a tshwanelwang ke go
ipetlela bokamoso jwa gagwe. Ga bo tsalelwe jaaka fa bogosi bo tsalelwa. Ga go bonolo gore ngwana
wa mosimane mo lapeng a ka tsaya tiro ya ga rraagwe fa rraagwe a ikela badimong kgotsa a rola
tiro. Tota le fa go twe ngwana wa mosimane ke molekane wa ga rraagwe, go na le maikarebelo a a
rileng fela a a lebaganeng le ngwana wa mosimane e seng bokamoso jwa gagwe. Foo ke
maikarabelo a gagwe. Borre ba bangwe ba na le go ketefaletsa barwa ba bona botshelo ka go leka
go ba peteletsa go ka tshela botshelo jo bona ba batlang gore bana ba bona ba bo tshele, e le ka
ntlha ya semelo sa rre yoo a re “la me lefoko le agelwa mosako. Fa go buile nna, ga go ope gape yo
a tshwanelwang ke go tshwaela”. Bontsi ba basimane ba iphitlhela ba ngwegile kwa magabona ka
ntlha ya borre ba semelo se se ntseng jalo fa bangwe ba bona ba iphitlhela ba ineetse mo
2

diritibatsing kgotsa ba le kwa kgolegelong mme bangwe bona ba ikhudusetsa badimong ka gobo ba
sa batle go ipona ba tshelela ka fa tlase ga kgatelelo ya motho e le rre wa gagwe.

Setlhogo seno NTLHOMOLE MMUTLWA, fa se feleletse ke “Ntlhomole Mmutlwa ga se ntshege lonao.”


Fano re bona moanelwamogolo wa rona e leng Matsetseleko e le ena yo a tlhabilweng ke mmutlwa o
robegetse mo lonaong lwa gagwe mme o leka go lemosa mmaagwe seo gore mmaagwe e bong
Kelogile a leke go ka mo tlhomola mmutlwa oo mme o a retelelwa ka ntlha ya bogagapa le
botlhogoethata jwa mogatse e bong Kgori. (ts. 120). Mmutlwa o go buiwang ka ga ona fano ga se
tshetlho kgotsa mmutlwa wa motshweetshwee, nnyaya, go lebilwe botshelo jwa ga Matsetseleko ka
moo rraagwe a neng a mo tshedisa ka teng. O ne a mo ketefaletsa botshelo ka dinako tsotlhe. O ne
a mo pateletsa go dira dilo tse ena Matsetseleko a neng a sa di kgatlhegele mme ena Kgori a re o
ruta ngwana botshelo, ke gona fa a mo dira monna, ntekwane o a di kga o di tlatsa kobo fela di se
na morwadi. Seno re se utlwile fa Matsetseleko a ne a tlotlela tsala ya gagwe Kukama ka botshelo
jwa gagwe mo tsebeng ya 54, gore tota o ne a rwaletse setlhako le mmutlwa. Rraagwe Matsetseleko,
e leng Kgori re ke mo tsaya jaaka mmutlwa o Matsetseleko a neng a o rwaletse le setlhako gonne tota
ke ena a dirileng gore Matsetseleko a ngwege mo motseng wa gaabo gonne a ne a bona gore ga a ka
ke a tshela sentle a dira selo se a se pateleditsweng gonne tota nama ya pateletso e thuba pitsa.
Matsetseleko o tlhagisa gape ntlha eno ya go tlhajwa ke mmutlwa fa a ne a bua le lebitla la ga Kgori
mo tsebeng ya 119. Kgori o ne a setse a fitlhilwe mo nakong eo mme jaanong Matsetseleko e ne e le
gona a mo tswelang mo sekhing gore tota ke ena ntsi e tala mabodisa nama. Lebelela ntlha eno mo
tsebeng ya 120 le go e tlhaloganya sentle.

Sengwe gape se motho a ka se itemogelang ka lokwalo lono ke ntlha ya gore moleleka kgama ya
mariga o e leleka a tshotse kobo kgotsa lerato ga lo ikgogomose e bile le na le boitsetsepelo. Re bona
Palesa e leng ngwana wa ga kgosi Kgololo a rata Matsetseleko mme le fa a ne a ile ka lenga la
seloko jalo, o ne a itshoka a mo letela go ya a bo a boela gae mme ba nyalana. Ba simolotse go
ratana ba sa ntse ba le kwa sekolong mme go ngwega ga Matsetseleko fa gae ga go a ke ga dira gore
Palesa a re, se ileng se a bo se ile se ile mosima motlhaela thupa, lesilo ke moselatedi. O ne a
itshoka a mo letela go fitlhela a bo a boa. Le fa Baagileng a kile a batla go mo faposa le go mo
tsietsa gore a lebale ka Matsetseleko, Baagileng o ne a itaya kwa ntle. Mmatlakgomo kolomela o
etse mhata sediba gonne ga go lehumo le le tswang fa gaufi. Ntlha eno re e senoletswe ke Bra boots
fa a simolotse go tsomana le matsetseleko go tloga ka letsatsi la ntlha le a siileng ka lona mo gae go
fitlha a mmona morago ga gore a tseelwe sejanaga ka dikgoka mme a iphitlhela a amogetswe kwa
bookelong mme le Matsetseleko a amogelwa kwa bookelong le kwa kgolegelong ka ntlha ya go
fitlhelwa mo sejanageng se se neng se utswilwe e bile a tsamaya le magodu a a neng a sa bolo go
batliwa a diteemane.

A re bone dingwe tsa dintlha tsa botlhokwa tebang le padi eno mo dikgaolong tsa yona.

Rre Othusitse Lobelo o rulagantse padi ya gagwe ka dikgaolo tse dikhutshwane thata tse di
tlhaloganyegang bonolo, le fa di lebega di tlhakatlhakane foo le foo fela ga di motsopodia go le kalo.
A ke leke go e sosobanya go ya ka moo rre Lobelo a e rulagantseng ka teng.

Ditiragalo tsa padi ya Ntlhomole Mmutlwa di rulagantswe ka mokgwa o o latelang:


3

I
➢ Kgaolo eno ke e e bulang ditiragalo tsa padi ya rona mo re boneng moanelwamogolo wa rona
e bong Matsetseleko a phuthaphutha dikgaswana tsa gagwe go ya a tla go inaya naga a siye
mo gae a sa laela batsadi ba gagwe. Matsetseleko o ne a ngwegela rraagwe le mmaagwe e
bong Kgori le Kelogile. Fano Mopadi ga a re senolele se se ka tswang e le sona se kobang
Matsetseleko fa lapeng le gale gongwe golo gongwe mo tsamaong ya lokwalo lono o tlaa re
senolela kgotsa baanelwabatlatsi ba ka re tshologa mokgosi ka ga ntlha eno.
➢ Go ne go le mo mosong thata e le ka nako ya mahube bontsi jwa batho bo sa ntse bo robetse
fa seno se diragala. Ka Matsetseleko a ne a ngwega, o ne a sa batle go bonwa ke motho ope,
ke ka moo re mmonang a tswa go sa ntse go robetswe. (ts. 1)
➢ Go ya ka diteng tsa padi mo (ts. 2 – 3) go lebega e kete Kgori e bong rraagwe Matsetseleko o
ne a letse a omanya Matsetseleko mo bosigong jo bo fetileng le go mmolelela masana a
kokometseng fa ena a sa tshosiwe ke sekolo mme a mo pateletsa gore e nne ena Mogotsa
molelo wa kwa kgosing fa kgosi a tlogela tiro eo. (Kgori e ne e le Mogotsa-molelo wa kwa
kgosing mme ga twe go ne go se ope yo a neng a dira tiro eo le ena kwa ntle ga gagwe ka nosi.)
➢ Go tsweng ga Matsetseleko o ne a ya go ema kwa boemelong jwa dipalangwa tsa botlhe go tla
a bona se a ka se palamang mme a ngwega ka sona go tswa mo motseng wa gaabo. O ne a
ema lobakanyana a sa itse gore tota a lebe ntlha efe. (ts. 3)
➢ Mopadi o tlhagisa tshobotsi ya ga Matsetseleko. (ts. 3) temana e e fa gare.
➢ Go tla sejanaga sa monna wa Mosweu se pegile dinku mme o pega Matsetseleko o tsamaya le
ena go fitlha kwa motseseteropong wa Kgaladi.(ts. 3). Matsetseleko o tswa mo
motsanaselegaeng wa Phiritshweu.
➢ Mosadimogolo Kelogile, e bong mmaagwe Matsetseleko o ya kwa phaposiborobalong ya ga
Matsetseleko go ya go mo tsosa le gore a tle a simolole ka ditiro tsa gagwe tsa selegae mme o
fitlhela phaposi e le lolea. O bitsa Kgori e leng rraagwe Matsetseleko go tla go iponna se ena
a neng a se bona. (ts. 4 - 7)
➢ Mopadi o re neela tshobotsi ya ga mosadimogolo Kelogile. (ts. 5) temana ya bofelo.
➢ Kelogile le Kgori ba a akantshana gore ba ka dirang fa go le jaana mme ba feleletsa bas a
utlwane ka dikakanyo. Kgori a re go iwe kwa kgosing mme go kopiwe Makanyane a kgosing
go tswela Matsetseleko letsholo. Kgori o ya kwa kgosing mme o fitlhela banna ba setse ba
phatlhaletse le motse – bangwe ba ile go thusa kwa dintshong, bangwe ba ile go gela
basadibagolo ba motse metsi le go ba ela kgonnye. (ts 6 – 8)
➢ Kelogile ena o roma Bonolo, kgaitsadiaagwe Matsetseleko kwa sepodising go mo tlela le rre wa
lepodisa yo a neng a boifiwa thata mo motseng e leng Sebogodi Tlhapedi, yo go tlogeng fano
re tla mmitsang BRA BOOTS, gonne e le leina le a neng a tumile ka lona. Bra Boots o ne a
wela tsela ka yona nako eo morago ga gore Kelogile a mo tlhalosetse gotlhe. (ts 6 – 8)
➢ BRA BOOTS – O ne a bidiwa jalo gonne a ne a itse sentle go pega seganana mpheetšhane tota.(ts 7)

I I
4

➢ Monna wa Mosweu yo mokwadi a mmiditseng fela Kalatšhane o goroga le Matsetseleko kwa


motseseteropong wa Kgaladi mme a bo a mo pegolola mo lebenkeleng la Rebawetse General
Dealer. (ts. 10).
➢ Kalatšhane o tlogela Matsetseleko ka mafoko a e sa leng ya nna ona seikokotlelo sa gagwe mo
loetong lotlhe la botshelo jwa gagwe. E ne e re fa a nyema mooko ka gale le go felelwa ke
tsholofelo, a bo a gakologelwa mafoko ao a ga Kalatšhane mme a bo a tiya mooko.(ts. 10)
temana ya bobedi.
➢ Matsetseleko o tsena mo lebenkeleng mme o reka sengwe sa go baya fa ntshung mme morago
a ya ka boroko, go ya a tsosiwa ke mong wa lebenkele fa a ipaakanyetsa go tswala lebenkele
la gagwe. (ts. 11 - 12)
➢ Mong wa lebenkele leo o ne a bidiwa fela SEGONYAMATLHO. O rile go tsosa Matsetseleko, ke fa
Matsetseleko a mo kopa ka maitseo go mo fa boroko go ya a bo a kgona go bona tiro. Rre
Segonyamatlho ka bopelontle ga gagwe o neela Matsetseleko marobalo le dijo kwa ntle ga
tuelo. (ts 11 – 12)
➢ Mopadi o re neela Tshobotsi ya ga rre Segonyamatlho. (ts. 12) temana ya bofelo.
➢ Mo bosigong joo fa Matsetseleko a robetse kwa ga Segonyamatlho, o lora rraagwe e leng Kgori
a mo lelekile le banna ba mophato wa Makanyane ka dipitse mme Kgori a mo swaila ka
seeme a ntse a taboga. (ts. 13)
➢ Matsetseleko o a tsoga mme o a ipaakanya le Segonyamatlho o mo adima baki a bo a wela
tsela a ya kwa meepong go ya go bona fa a ka se ke a fiwa tiro teng, fela o ne a kwalwa
leina a bewa mo pampiri tetelong go twe ba tlaa bidiwa fa go na le sengwe. (ts. 14)
➢ Matsetseleko o boa a itsese Segonyamatlho le mogatse e bong Morongwa gore o tsamaile jang
kwa meepong mme Segonyamatlho o swetsa ka gore Matsetseleko a nne fa ga gagwe nakwana
fa a sa ntse a letile go bidiwa kwa moepong. Tumalano ya bona e nnile gore Matsetseleko o
tla nna a mo thusa kwa lebenkeleng la gagwe la Rebawetse fa a sa ntse a letetse go bidiwa
kwa moepong fela ga a ne a mo duela gonne a tla bo a nna mo ga gagwe le go ja teng kwa
ntle ga tuelo. Ka jalo o tla dira mo lebenkeleng go duela seno. Matsetseleko o ne a
dumalana le ntlha eno (ts. 15).
➢ REBAWETSE GENERAL DEALER: Lebenkele leno le bidiwa Rebawetse gonne Segonyamatlho le
Morongwa ba ne ba lathlegelwa ke bana ba le bararo pele ba tsholwa, mme ba ne ba nna lesego la
go nna le basetsana ba Mawelana e bong Remofilwe le Rebafilwe. Ka jalo ba ne ba re ba wetse
mawelana ao ke ka moo ba biditseng lebenkele la bona ka leina REBAWETSE. (ts. 15).

I I I
5

➢ Mo kgaolong eno ke mo mokwadi a re tlhagisetseng le go re bopela Maitshetlego le


lemorago la ditiragalo tsa padi ya gagwe. Lefelokgang la ditiragalo gammogo le bangwe
ba baanelwa ba ba botlhokwa jaaka Palesa, Mmathapelo le Kgosi Kgololo. (ts 17 – 19)
➢ Ditiragalo tsa padi eno di ikaegile thata ka mafelokgang a le mabedi e leng Phiritshweu le
Kgaladi.
➢ Tlhaloso ya motse wa Phiritshweu gammogo le ditiragalo tse di agang di diragala teng
letsatsi le letsatsi. (ts. 17 - 25)
➢ Motse ono wa Phiritshweu go ya ka moo mokwadi a re tlhalosetsang ona ka teng, o
tshwana fela le motse wa gaabo wa Ga-Khunwana mo porofenseng ya Bokonebophirima go
ya kwa dikgaolong tsele tsa Mahikeng. Kgaladi yona e tshwana fela le motseseteropo wa
Atamelang o o seng kgakala jalo le Ga-khunwana. Toropo ya Morolahutshe yona fa a e
tlhalosa e go neela fela teropo ya Delareyville.
➢ Phiritshweu e ne e buswa ke Kgosi Kgololo mme a na le banna ba lekgotlha ba go lebegang
ba ne ba le setlhogo tota mme e bile ba le ditlhogodithata ba eteletswe pele ke rraagwe
Matsetseleko e bong Kgori.
➢ Mosadi wa ga Kgosi Kgololo e ne e le Masedi mme ba na le ngwana a le mongwe fela wa
mosetsana e leng Palesa. (ts. 18)
➢ Palesa le Matsetseleko ba godile mmogo gonne Kgori o ne a aga a tsamaya le Matsetseleko
kwa kgosing fa a ne a ya go dira tiro ya gagwe ya go gotsa molelo. Ba ne ba tsena sekolo
mmogo mme ba sa kgaogane mme seno se ne sa feleletsa se dirile gore bobedi ba tsogelwe
ke maikutlo a ba neng ba sa a solofela a lerato.(ts. 19)
➢ Go nyelela ga Matsetseleko go ne ga hutsafatsa Palesa thata gonne a nyeletse ka nako e
lerato le neng le mo gotetsa thata. (ts. 20)
➢ Mmathapelo e ne e le morwadie Bra Boots mme o ne a nna tsala e kgolo ya ga Palesa
morago ga gore Matsetseleko a tsene ka lenga la seloko.(ts. 21)
➢ Palesa le Mmathapelo ba ne ba le bantle thata moo basimane ba motse ba neng ba boifa le
go ka ipala mabala a kgaka mo go bona fela ntlha nngwe ke ya gore Palesa e ne e le
ngwana wa kgosi mme Mmathapelo e le ngwana wa monna yo a neng a tshabega thata
mo motseng e leng Bra Boots. (ts 21)
➢ Rre Lobelo o re neela jaanong ditshobotsi tsa ga Palesa le Mmathapelo.(ts. 22) temana e e fa
gare.
➢ Re neelwa gape dipharologantsho le mekgwa ya bana ba basetsana. (ts. 22 - 23).
➢ Bra Boots o boela gape kwa go mosadimogolo Kelogile go ya go kopa setshwantsho sa ga
Matsetseleko gonne a bua gore letsholo la gagwe le boima thata gonne a tsomana le motho
yo a sa mo itseng. Kelogile o mo neela setshwantsho sa bogologolo sa ga Matsetseleko a
setse a le tumelo potlana. (ts. 24 - 25).

I V
6

➢ Kgaolo eno e re senolela kopano ya ga Bra Boots le Matsetseleko le fa Bra Boots a ne a


retelelwa ke go mo lemoga.
➢ Mopadi o bula kgaolo eno ka go re neela lemorago la lefelo la Kgaladi fa Bra Boots a ne a
tsena ka ona. O re neela ka moo Matsetseleko a neng a tshela ka teng kwa Kgaladi. Go
lebega Matsetseleko a ne a tshela ka tshosologo go se letsapa lepe le le neng le mo fisa pelo
kwa Kgaladi. (ts. 27)
➢ O ne a dira kwa lebenkeleng la ga Segonyamatlho la Rebawetse General Dealer mme go lebega
e ne e le thuso e kgolo thata mo go Segonyamatlho gonne dilo tsa gagwe di ne di mo tsamaela
ka thelelo. Segonyamatlho o ne a bile a rutile Matsetseleko le go kgweetsa sejanaga mme e
bile a setse a na le lokwalokgweetso. (ts 28)
➢ Bra Boots o dira dipatlisiso tsa gagwe ka ga Matsetseleko kwa meepong ya matikiri mme o ne
a kgona go bona lesedinyana teng ka mosimane mongwe wa mmala yo a neng a dira kwa
meepong jaaka mokwaledi o ne a mo kaetsa fa Matsetseleko Kebapaletse a kile a tla go kopa
tiro kwa go bona mme jaanong o nna kwa Kgaladi mo atereseng ya lebenkele la ga
Segonyamatlho. (ts. 28 - 29).
➢ Bra Boots o itelekela kwa lebenkeleng la ga Segonyamatlho la Rebawetse General Dealer, moo a
fitlhelang Matsetseleko a setse le lebenkele mme Segonyamatlho a se yo. (ts 30)
➢ Tshobotsi ya ga Matsetseleko mo Kgaladi e a tlhagisiwa mo (ts. 31) tema ya bobedi kwa tlase.
➢ Tshobotsi ya ga Bra Boots yona e mo (ts. 32) temana ya bobedi.
➢ Bra Boots o leka go tsietsa Matsetseleko ka go mo raya a re ke mongwe wa mapodisi a kwa
meepong mme o romilwe ke bothati jwa meepo go tla go batla Matsetseleko Kebapetse gonne
ba sa bolo go mo romelela makwalo gore a tle go simolola tiro mme ena ga a tle. (ts 32)
➢ Matsetseleko o lemoga ka bonako gore Bra Boots o leka go mo tsietsa mme ya re Bra Boots a
kopa go itse leina la gagwe Matsetseleko a bo a ipitsa gore ke ena “JOB DIKGOLE. (ts. 33)
➢ Bra Boots o mo supetsa setshwantsho a mmotsa gore a ke ga a itse motho yo a mo
setshwantshong yoo mme Matsetseleko o bua fa motho yoo e le tsala ya gagwe a kile a tla teng
mo lebenkeleng leo a re o batla tiro mme o rile go e tlhoka a bo a fetela kwa meepong
mengwe kwa dikgaolong tsa Bojanala. (ts. 33)
➢ Pele Bra Boots a kgaogana le Matsetseleko o leba setshwantsho gape ka pelaelo mme a raya
Matsetseleko a re motho yo o mo setshwantshong yono o ntshwanna le wena.
➢ Fa Bra Boots a tswa ka lebenkele ke fa Segonyamatlho a tsena mme a gamarega thata go bona
monna wa lepodisa mo lebenkeleng la gagwe. E rile fa a botsa Matsetseleko gore go
diragalang, ke fa Matsetseleko a mo tlhalosetsa gotlhe gore go diragetseng le gore a bo a fetse
a tsere tshweetso ya go sia kwa lapeng. (ts. 34)
➢ Segonyamatlho o ne a lemoga fa e le nonyane e e mephuphuthomebe e e tlaa tsogang e
iphatlha ka diphuka tsa yona, a bona fa a itswetse nkgwe sa santlhoko ka go amogela
Matsetseleko, fela ka ntlha ya bopelonolo jwa gagwe a bo a ikana gore setlhako o tla se
rwalela le mmutlwa, o tla thusa Matsetseleko go ya a bo a atlega mo go se a se batlang. (ts.
34)

V
➢ Mo kgaolong eno ke mo re bonang Matsetseleko a kopana le mokapelo wa gagwe Palesa kgetho
la nthla fa e sa le a ngwegile kwa gae..
7

➢ Go ne go rulagantswe dikgaisano tsa mmino wa dikhwaere tsa dikolo tse dikgolo tse di neng di
rulaganyeditswe go ka tshwarelwa kwa motseseteropong wa Dikhudung sekgalanyana fela go
tswa mo motseseteropong wa Kgaladi.
➢ Sekolo se Palesa a neng a tsena kwa go sona e ne e le sengwe se se neng se tlile go tsenela
dikgaisano tseo mme Palesa le tsala ya gagwe Mmathapelo ba ne ba le karolo ya sekolo seo e
leng sa Obakeng kwa Phiritshweu. (ts. 36-37)
➢ Matsetseleko o ne a lemoga gore sekolo sa Obakeng e tla nna karolo ya dikgaisano fa a ne a
lebeletse dikgang ta mo thelebišeneng mme gape a bona Mmathapelo le Palesa ba kgabola mo
khwaereng mme a itse gore ke karolo ya khwaere eo. (ts. 38)
➢ Mokwadi o tlhagisa jaanong lelapa la gaabo Matsetseleko le feletse.......
(Go lebega fa Matsetseleko a ne a le fa gare ga basetsana ka tsalo. Baepedi ke yo mogolo yo a
latelwang ke Matsetseleko mme ena a latelwe ke Bonolo) ts. 38 - 39
➢ Matsetseleko o sekaseka lenaneo la gagwe la letsatsi leo la dikgaisano mme a fitlhela e le gore
o tla bo a dira gonne Segonyamatlho o tlaa bo a se yo mo letsatsing leo. (ts. 38).
➢ Mokwadi o re tlhagisetsa gape mekgwa ya banna ba kgotlha ya ga Kgosi Kgololo gore ba ne ba
ntse jang mme o tlhagisa fa Kgori, e leng rraagwe Matsetseleko e ne e le moeteledipele wa
bona. Go lebega fa banna ba lekgotla ba ne ba batla gore go utlwiwe ka bona fela mo
motseng ba sa reetse ope. (ts. 40).
➢ Letsatsi le dikgaisano le ne la goroga mme sekolo sa Obakeng go tswa kwa Phiritshweu se ne
sa nna teng mme Matsetseleko a tshwanelwa ke go loga leano la go kopana le Palesa gonne
lerato la bona le ne le godile le go feta morago ga gore ba kgaogane ka nako e telejana. (ts.
39)
➢ Dikgaisano tsa mmino di ne tsa kgatlampana jalo mo motshegareng wa letsatsi leo fa
Matsetseleko ena a ne a sa ntse a le kwa lebenkeleng gonna Segonyamatlho a ne a se yo mme
e rile maitseboa a tswala lebenkele a leba kwa dikgaisanong gonne e ne e le nako e go neng
go tsena dikhwaere tse ditona. (ts. 41 – 42)
➢ Sekolo sa gaabo Palesa e leng sa Obakeng se ne sa kgona go fenya dikgaisano mme e rile fa
go sa ntse go letilwe dipholo, ke fa Matsetseleko a kgona go bona tšhono ya go kopana le
mokapelo wa gagwe e leng Palesa. (ts. 42 – 43)
➢ Ela Tlhoko:
➢ Palesa o ne a nna le Matsetseleko teng foo ba tlotla ka ga tsele le tsele, mme Palesa o ne a
leka go botsolotsa Matsetseleko gore tota o nna kae mme Matsetseleko a swa ka lehunelo
tebang le kwa a nnang gona. Lerato la bona le ne le tuka malakabe mo Palesa a neng a setse
a lebetse gore kana o tlile le barutwa ba bangwe mme a bona fela ka Mmathapelo a tlile go
mmits gore o siiwa ke dibese. (ts. 43)
➢ (Matsetseleko o ne a tswela kwa ntle morago fela ga gore setlhopha sa gaabo Palesa se diragatse
mme a leka go ikopanya le Palesa. O ne a ya mo setlhopheng sa sekolo sa Obakeng mo se neng se
beilwe gona mme a gwetlha mongwe wa basimane ba sekolo seo go mmiletsa Palesa. Mosimane
yoo o ne a bitsa mongwe wa ditsala tsa gagwe ka ena a ne a sa itse Palesa sentle mme ba ne ba tla
kwa go Matsetseleko ba le bane… E le basimane ba le babedi, Palesa le Mmathapelo mme e rile fa ba
goroga mo go Matsetseleko boraro joo ba boela morago mme Palesa a sala le Matsetseleko. (ts. 48
– 49)
➢ Fa ba se na go kgaogana, Matsetseleko o ne a tsena mo sekgoropeng sa gagwe se a neng a se
filwe ke Segonyamatlho a boela gae mme Palesa a tsena mo besang ba boela gae. (ts. 44)
➢ Mmathapelo o ne a tsietsa Palesa gore a bo a feletse a mmoleletse ka ga sephiri sa gagwe le
Matsetseleko mme ba simolola go nna ditsala tsa mmatota go tloga ka letsatsi leo.(ts. 44-45)
8

V I

➢ Morago ga dikgaisano tsa dikopelo kwa Dikhudung, kwa Phiritshweu go ne jaanong go buiwa
ka ditiragalo tsa letsatsi leo la dikgaisano go tlotlelwa ba e neng e se karolo ya dikgaisano
tseo.
➢ Ka baitsedikgang bona ba se ke ba tlhokega, ba ne ba di bua jalo ba okeditse ka maaka
mmogo le tsa kopano ya ga Matsetseleko le Palesa. (ts. 47)
➢ Ka dikgang di anama jaaka molelo wa tlhaga go le mariga, di ne tsa anama jalo le motse wa
Phiritshweu tsa bo tsa ya go tsena mo ditsebeng tsa ga Kgori le tsa ga kgosi Kgololo. (ts. 47)
➢ Mosimane yo e neng e le ena yo Matsetseleko a neng a mo romile e ne e le ena yo a neng a
akga loleme mo motseng gore dikgang tseno di bo di goroge le kwa bagolong ba bona. (ts. 48)
➢ Kgosi Kgololo o rile go di utlwa a bo a romela morongwa wa gagwe e bong Tshetlho kwa
gaabo mosimane yoo gore a tle go di kaya fa pele ga kgosi le banna ba lekgotlha. (ts. 48)
➢ Mosimane yoo ka a ne a boifa kgosi le lekgotla la gagwe o ne a ntsha mosi ka sekhurumelo a
ba tswela mo logapeng ka ga se a se se diragetseng kwa Dikhudung magareng ga Palesa le
Matsetseleko.(ts. 39)
➢ (Matsetseleko o ne a tswela kwa ntle morago fela ga gore setlhopha sa gaabo Palesa se diragatse
mme a leka go ikopanya le Palesa. O ne a ya mo setlhopheng sa sekolo sa Obakeng mo se neng se
beilwe gona mme a gwetlha mongwe wa basimane ba sekolo seo go mmiletsa Palesa. Mosimane
yoo o ne a bitsa mongwe wa ditsala tsa gagwe ka ena a ne a sa itse Palesa sentle mme ba ne ba tla
kwa go Matsetseleko ba le bane… E le basimane ba le babedi, Palesa le Mmathapelo mme e rile fa ba
goroga mo go Matsetseleko boraro joo ba boela morago mme Palesa a sala le Matsetseleko. (ts. 48
– 49)
➢ Kgosi Kgololo e ne ya re go utlwa fa Palesa a ntse le Matsetseleko nako e telele a bo a mo
anya loleme go utlwa fa a ka se ke a mmolelela sengwe ka ga Matsetseleko. Palesa o ne a
mmolelela tsotlhe ka ga go kopana ga gagwe le Matsetseleko gammogo le tsotlhe tse
Matsetseleko a mmoleletseng tsona tebang le banna ba gagwe ba lekgotla a bo a mmolelela fa
Matsetseleko a eletsa go boela gae mme a boifa banna ba lekgotla. (ts. 50 – 51)
➢ Kgosi Kgololo o bua le tshika yoo Kebapetse gore ba phutholole dipelo le go batla morwabona
le go mo amogela mo gae mme seno sa simolola go kokonela Kgori thata, ya nna gona a
lemogang fa a iphatlhile ka diphuka tsa gagwe. (ts. 51)
➢ Le fa go le jalo, Palesa le Matsetseleko ba kgaogane jalo kwa ntle ga go ka ithulaganya gore
ba ka kopana jang le go bonana jang mme seno ga se a ke sa tshikinya lerato la bona gonne
morago ga go kopana ga bona Matsetseleko o ne a aga a itumetse thata kwa ga
Segonyamatlho .
➢ Dikgwedinyana morago ga dikgaisano tsa dikopelo le go kopana ga Matsetseleko le Palesa,
Segonyamatlho o ne a tla le lekwalo la ga Matsetseleko le le neng le tswa kwa meepong ya
matikiri ya Madibeng le le neng le laletsa Matsetseleko go tla go simolola tiro ya gagwe kwa
meepong eo. Matsetseleko o ne a itumeka thata go bona a amogetswe kwa meepong eo (ts. 52)
➢ Matsetseleko o ne a ya go simolola tiro ya gagwe kwa meepong mo letsatsing le le latelang. O
ne a abelwa tiro ya go dira jaaka motsamaisi wa lebanta kwa moepong. (ts. 53)
9

➢ Ela Tlhoko: (Tiro ya gagwe e ne e le go leba lebanta le legolo le le neng le taboga fa godimo ga
tafola, le taboga jalo le rwele mmu le matlapa a go neng go tlhotšhwa diteemane go tswa mo go ona.
(ts. 53). Eno ke tiro ya ntlha ya ga Matsetseleko kwa meepong ya Madibeng.
➢ Ka ntlha ya boineelo jwa gagwe mo tirong le bonatla jwa gagwe Matsetseleko o ne a
tlhatlosiwa go tswa mo tirong eo mme a isiwa kwa diofising tsa motlakase go dira ka
motlakase. (ts. 54)
➢ Bathati ba meepo ba ne ba mo tsaya ba mo isa katisong ya go dira ka motlakase le go dirisa
metšhini ya mefutafuta ya motlakase.
➢ Matsetseleko o ne a iponela tsala ya tlhogo ya kgomo yo a neng a bidiwa Kukama yo a neng a
tswa kwa Matile mme bona ba iphitlhetse e le diyathoteng di bapile mo tirong.
➢ Matsetseleko o ne a tlotlela Kukama ka ga kgodiso ya gagwe – go lebega e kete rraagwe
Matsetseleko e bong Kgori o ne a sa godise Matsetseleko sentle o ne a mo godisa bokete. (ts 54)
➢ Segonyamatlho o gakolola Matsetseleko go reka sejanaga mme a mo rekisetsa sa gagwe se a
neng a ntse a se dirisa gonne bana ba gagwe ba ne ba mo reketse se se ntšhwa.
➢ Letsatsi lengwe e rile Matsetseleko a robetse, ka a boile tirong a lapile thata, o ne a nna le
toro e e neng e boitshega tota. (ts. 55 – 56)
➢ TORO 2: O ne a lora rraagwe a mo fisetsa mo teng ga phaposi ya gagwe ya borobalo a robetse mme
a ipona a šwa maoto,matsogo le tlhogo mme mmele ona o sa šwe gotlhelele.)
➢ Toro eno e ne ya mo tshwenya thata mo moweng mme a se ke a itse gore tota a ka dirang fa
go le jalo gonne go ya ka ena gongwe toro eo e ne e mo kaetsa sengwe ka ga rraagwe se ena
gongwe a neng a sa se itse. (ts. 57)

V I I

➢ Kgaolo e re senolelang le go re tlhagisetsa ka moo baagi ba motse wa Phirithweu ba neng ba


sa inaakanyeng le ditlhabololo ka teng. Ba ne ba sa di kgathalele e le ka tlhotlheletso ya
boralekgotla ba motse oo gonne ba ne ba gopola fa ba tla tseelwa dithata tsa bona fa ba ka
letla puso go tlisa ditlhabololo mo motseng wa bona.
➢ Kgosi Kgololo ena o ne a sa ikamanye le banna ba lekgotla fela o ne ka dinako dingwe a
ineelela go utlwa ka bona se ba se buang le se ba se ganang.
➢ Mo kgweding ya Tlhakole ba Lefapha la Dipusoselegae ba ne ba itelekela mo motseng wa
Phiritshweu go tla go tlhoma lenaane la kagosešwa le ditlhabololo mo motseng.(ts. 59)
➢ Kgosi Kgololo o ne a epa pitso ya kgothakgothe go bitsa baagi botlhe ba motse gore moagi
mongwe le mongwe a tle go itseela ka tsebe le go ka botsolotsa moo a ka bong a batla tlhaloso
teng gonne tota seso se monate fa se ingwaelwa ke mong a sona.
➢ Morago ga gore barongwa ba lefapha ba sekaseke motse wa Phiritshweu ka tsenelelo, ba ne ba
lemoga fa go se kitla go nna bonolo go tlhoma diporojeke tse di jaaka go tsenya motlakase le
megala ya tlhaeletsano, go tsenya metsi mmogo le go aga tsela gonne motse oo o ne o agilwe
mo dithoteng le dithotana ka jalo go ne go ya go nna bokete go ka dira diporojeke tseo. (ts 60)
➢ Ba ne ba swetsa ka gore a bogolo ba agele motse ono sekolo se segolwane gonne puso e
tlhagisitse fa go patelesega gore motse mongwe le mongwe o bone ditlhabololo tse di rileng.
(ts. 60)
10

➢ Dikgosi le dikgosana tsa metsana e mentsinyana di ne tsa nna mo ketsaetsegong ya gore fa


puso e rebola diporojeke tsa mothale ono ke leano fela la bona go ba amoga dithata tsa bona
tsa go busa mme bangwe ba bona ba simolola go tlhotlheletsa merafe ya bona gore e ganane
le se puso e se rebolang kgotsa ba kgoreletse diporojeke tseo tse puso e tlang ka tsona. (ts 60).
➢ Ketsaetsego e kgolo thata e ne e bonwa teng mo motseng ono wa Phiritshweu mme seno se ne
sa utlwisa Palesa botlhoko thata go bona baagi ba motse wa gaabo ba le kgatlhanong le
ditlhabololo. (ts. 61)
➢ Palesa le mmaagwe e bong Mosedi ba ne ba pataganela Kgosi Kgololo ba mo gakolola gore a
ya kwa ntlong ya dikgosi kwa puso bogareng a ye go utlwa le go tlhaloganya sentle gore tota
puso e batla go dira eng mo motseng wa bona. (ts. 61). Kgosi Kgololo o ne a dira fela jaaka
mogatse le morwadie ba mo gakolola mme a ikgorosa kwa ntlong ya dikgosi.
➢ Mokwadi o re tlhagisetsa ka moo motse wa Phiritshweu o neng o sotlegile ka teng go bontsha
gore tota ona o ne o batla ditlhabololo go sa belaetse. ( Lebelela temana ya bofelo mo ts. 61)
➢ Go boeng ga Kgosi Kgololo kwa Ntlong ya Dikgosi, o tlile a na le tlhaloso e e botoka e bile a
itumeletse se a se utlwileng. O ne a fitlha a bitsa baagi gape go ba tlhalosetsa le go ba itsese
fa ba lefapha ba tla ba jela nala gape mo nakong e khutshwane mme baagi ba ne ba amogela
se a neng a tla ka sona (ts. 62)
➢ Kgori le banna bangwe ba lekgotla ba ne ba sa itumelele seo ba bona fa kgosi a batla go
rekisa dithata tsa bona mme lebaka legolo e le gore bona ba rata fela fa morafe o ntse o utlwa
ka bona. Ba ne ba batla fela gore sengwe le sengwe mo motseng se tle ka bona. (ts. 62)
➢ Ka kgwedi ya Mopitlwe ba lefapha la puso ba ne ba tla gape mo Phiritshweu jaaka fa ba ne ba
solofeditse mme ba ne ba patilwe ke ba Lefapha la Thuto gonne go ne go builwe e bile go
dumalanwe gore Phiritshweu e tlaa agelwa sekolo se segolwane gore fa bana ba fetsa mo
dikolong tse di kwa tlase ba se ke ba tsaya maeto a go ya kgakala go ya go batla kwa ba ka
tsengng dikolo teng.(ts. 63)
➢ Go ne ga ntshiwa lefelo le go neng go tlaa agiwa sekolo seo mo go lona mme go ne ga supiwa
lefelo le go neng go agilwe kereke ya bogologolo ya Fora mo godimo ga thotana e e neng e
bidiwa Tlhaalatau. (ts. 63). Kereke eno e ne e agilwe ke Majeremane a a neng a tsamaya mo
metseng bogologolo ba leka go sokolola batho ka lefoko la Modimo.
➢ Sekolo se ne sa agiwa jaaka fa go ne go dumalanwe le puso mme se ne sa fiwa leina la
THUTO- KGOLOLO FET COLLEGE. (ts. 64). Fa barutwana ba ne ba wetsa Mophato wa bona wa
bolesome ba ne ba amogelwa kwa Thuto=Kgololo go tsweletsa dithuto tsa bona teng.
➢ Ka nako e Thuto-Kgololo e neng e wediwa Palesa ena o ne a setse a dirile dikopo tsa go tsena
sekolo kwa Yunibesithing ya Tshwane (ts. 65)
➢ Thuto-Kgololo e ne ya abelwa morafe wa Phiritshweu semmuso dibeke di le pedi pele ga
moletlo wa Keresemose mme go ne go dirilwe moletlo o mogolo thata mo motseng wa
Phiritshweu go bile go laleditswe dikgosi le dikgosana tsa metse le metsana e e gaufi. (ts. 66)
➢ Morago ga meletlo ya Keresemose, Kgori o ne a setse fela le mohumagadi wa gagwe e bong
Kelogile, Bonolo ena o ne a ile malatsing a khunologo kwa Manamolela kwa go Baepedi e leng
mogolowe.
➢ Bra Boots o ne a itelekela kwa lelapeng la ga Kgori mme a lebega a sa itlhaganela jaaka gale.
O ne a phoka mogodungwana le bona mme ba nna ba tsaya kgang ka ga Matsetseleko fa
Kelogile a ne a mo kopa gore a lebale ka letsholo leo a se tlhole a re o latedisa motlhala
gonne bona ba setse ba itlhobogile. Kgori o ne a sa tshwaele sepe mo nakong eo. (ts. 67)
11

➢ Bra Boots o ne a netefaletsa Kelogile gore ena ga a ke a retelelwa ke tiro ya gagwe mme o ya
go tsoma Matsetseleko go ya a bo a mmona. O ne a re o ya go batlisisa motlhala kwa go
Palesa gonne a utlwile fa Palesa a kile a bo a na le ena motsing goo ba neng ba ile
dikgaisanong tsa kopelo. (ts. 67)
➢ Morago ga gore Bra Boots a ba laele, Mokwadi o re neela tshobotsi ya ga Kgori mo botsofeng.
Go lebega a ne a tshwanologile thata. (ts. 68 temana ya ntlha).
➢ Kelogile o tlogela Kgori mo maribelong a ntlo fa ba neng ba ntse gona mme o tsena mo teng
ga ntlo mme a tshwarwa ke dikgofenyane go le gonnye. E rile fa a tswela fa ntle a ya go
kobakobana le dipotsane tse di neng di mo jela dithunya tsa gagwe mme tse dingwe di ntse di
tlolatlola gaufi le Kgori mme a sa re sepe ka tsona. Fa mosadimogolo a re o atamela Kgori le
go mo tshikinya, Kgori a wa ka letlhakore, ya bo e le fa e le gona a bileditswe gae
legodimong, legaeng je le sa nyeleleng. (ts. 69)
➢ Kgori o ne a tshwanelwa ke go fitlhwa jalo morwawe e bong Matsetseleko a se yo mme a
hulere jalo ka pelo e le lehuto le a neng a le tshwaretse Matsetseleko gonne a ganne go nna
mogotsa molelo wa kwa kgosing. (ts. 69)

V I I I

➢ Kgaolo eno e re senolela tshemelelo e e neng e diragala kwa sekolong se sešwa sa Thuto-
Kgololo ya ikwadiso ya baithuti le go thapiwa ga batlhatlheledi. (ts. 72).
➢ Go ne go lebega fa sekolo seno se ne sa amogela baithuti ba mo motseng wa phiritshweu ka
nosi gammogo le ba metse le metsana e e mabapi. (ts. 72)
➢ Mmathapelo, tsala e kgolo ya ga Palesa e ne e le mongwe wa lesomo la baithuti ba ba neng ba
amogelwa mo go sona sekolo seno sa Thuto-Kgololo mme seno se ne sa mo kgaoganya le
Palesa gonne ena a ne a ile kwa Yunibesithing ya Tshwane.
➢ Mmathapelo o ne a dira dithuto tsa Botsamaisi jwa Diporojeke le Dikago mo sekolong seno.
➢ Go ne go thapilwe batlhatlheledi ba ba tswang kwa mafelong a a farologaneng go tla go
fatlhosa baithuti mo sekolong seno.
➢ Go na ga nna mongwe wa Batlhatlheledi wa lekawana yo a neng a bidiwa BAAGILENG
BOTHOBOKAE, a tswa kwa Yunibesithing ya Tlokweng ka tiro ya botlhatlheledi mme e le
lekawana la kwa Madibogo. (ts. 73). E ne e le motlhatlheledi wa Botaki le Setso.
➢ E ne e le lekolwane le le matlhagatlhaga mo tirong ya lona mme gape a le botlhale thata.
➢ Ka pelo e ja serati, mme sebatlelwa e sa se batle, Baagileng o ne a iphitlhela a tswela
Mmathapelo pelo mme a se ke a nna mafosi. A ipala mabala mo go Mmathapelo mme
Mmathapelo le ena a se ke a mo themathemisa a mo amogela.
➢ Lerato la ga Baagileng le Mmathapelo le ne le tuka malakabe moo le neng le ka se ke la
tinngwa ke sepe. Ba ne ba aga ba le mmogo ka dinako tsotlhe. Mmathapelo o ne a bile a
kgona go ya kwa mogwaafatsheng wa ga Baagileng nako nngwe le nngwe e a neng a batla
mme e bile a sa kgathalele gore baithuti ka ena ba reng. (ts. 73 – 75)
➢ Ka lengwe la malatsi kgosi Kgololo o ne a amogela lekwalo le le tswang kwa Yunibesithing ya
gaabo Palesa le le neng le ba laletsa gore ba tle go tsenela dikgaisano tsa dingwangisano tsa
kwa Yunibesithing tse ena Palesa e neng e le motsaya karolo mo go tsona. Kgosi o ne a
etsaetsega gonne mo nakong eo o ne a tla bo a ile kopanong ya dikgosi kwa Tswaing ka jalo
12

ena le mosadi ba ne ba dumalana ka go re Baagileng a ba ele legatong la bona go ya go ema


Palesa nokeng gonne ba ka se kgone go ya koo. (ts 77)
➢ Baagileng o ne a amogela kopo eo kwa ntle ga go botsolotsa dipotso dipe, mme ka gangwe fela
a bo a setse a ipaakanya mme a leba kwa Tshwane kwa ntle ga go bolelela mokapelo wa
gagwe e bong Mmathapelo…. o ne a mo ngwegela mme a ya a le esi kwa go Palesa. (ts. 78)
➢ Go ya ka wena a se Baagileng a se dirang seno se siame – A tota fano go bontsha lerato?
➢ Mo mosong o o latelang Mmathapelo o ya kwa mogwaafatsheng wa ga Baagileng go ya go mo
jela nala ka a ne a itlwaeditse go ya go nwa mogodungwana teng moso mongwe le mongwe
mme a gakgamadiwa ke go fitlhela sejanaga sa gagwe se se yo mo a atisang go se emisa teng
mme le ena a se yo mo ntlong. (ts. 78 – 79)
➢ Mmathapelo fa a nna le dipelaelo jalo o simololoa go botsolotsa kwa dikantorong tsa
batlhatlheledi ka ga Baagileng mme ka lesego mme Malebotsa Mogorosi a mo tlhalosetsa gore
Baagileng o ile kae le gore o ile go dira eng koo.(ts. 80)
➢ Seno se ne sa gakgamatsa Mmathapelo thata gore ke goreng fa Baagileng a mo lobetse le go
mo ngwegela jalo mme a tsaya tshweetso ya go mo tsaya ka motlhala a mo sale morago kwa
Tshwane. O ne a dirisa dipalangwa tsa botlhe. (ts. 80)

I X

➢ Baagileng o goroga kwa Tshwane mme o simolola ka go ya kwa botsamaising jwa Yunibesithi
ya Tshwane go ya go botsa ka ga dithulaganyo tsa mo maitseboeng ao.
➢ O ne a gakgamadiwa ke go bona mafaratlhatlha a mebila e e farologaneng ya Tshwane,
dikago tsa metlhatlhaganyane gammogo le tlhanaselo e a neng a simolola go e bona mo
botshelong jwa gagwe. (ts. 83)
➢ Go gorogeng ga Baagileng kwa Yunibesithi, o ne a fiwa bukana ya lenaane lotlhe la
motshegare oo go akaretsa le mo maitsiboeng a letsatsi leo. O ne gape a fiwa le phaposi e a
neng a e thapetswe kwa Kopadilalelo City Lorge, gonne botsamaisi jwa Yunibesithi bo ne bo
thapetse baeng botlhe ba letsatsi leo e bong batsadi ba batsayakarolo kgotsa kemedi ya bona
marobalo kwa teng.(ts. 84)
➢ Baagileng o ne a filwe phaposi ya nnomoro ya 27 kwa Kopadilalelo City Lorge mme o ne a
neelwa mosimane mongwe yo a direlang setheo sa tshireletso go mmuledisa kwa go yona le go
e mo supetsa. (ts. 84)
➢ O ne a iketla mo go yona le go ikhutsa gammogo le go bogela bontle jwa phaposi eo fa a ne a
tshoganyediwa ke go konyakonya ga mongwe fa mojako mme a gakgamala gore tota e ka bo e
le mang gonne a ne a sa solofela moeng. (ts. 85)
➢ E rile fela fa a bula mojako a bo a kgatlhantshiwa fela ke kgarebe e ntle ya sekgatlhabadimo e
eme mo mojako a bo a iphitlhela a tshwerwe ke diorisi e se peregasi, a tshwerwe ke kgake. Ya
bo e ne e le ena Palesa yo a neng a tlile go mo emela. (ts. 85 - 86)
Ela Tlhoko: Baagileng o ne a sa itse Palesa ka gotlhegotlhe. O ne a ise a ke a kopane le ena tota le
go mmona ka matlho le ka setshwantsho tota. Ka jalo o ne a sa mo itse, e ne e le gona a tlaa bong a
kopana le ena. Lebelela Tshobotsi ya ga Palesa e rre Lobelo a re neelang yona mo tsebeng ya 86
mo temeng e e kwa godimo.
13

➢ Teng mo re boneng Baagileng a tshwaregile jaaka moloi fano ka ntlha ya bontle jwa ga Palesa
ke gona mo dikakanyo tsa botsukunape di simologileng gona fa a ntse a mo lebile jalo.
(Leelela temana ya bofelo mo tsebeng ya 87)
➢ Palesa le Baagileng ba ne ba ikitsesanye mme ba tlotla ka ga seno le sele tebang le matshelo a
bona ba botsana dipotso ka ga matshelo a bona fela Baagileng ga a a ke a tswela Palesa mo
mpanaaneng tebang le kgolagano ya gagwe le Mmathapelo e tswa Mmathapelo ena a ne a mo
ametse ka ga botsala jwa gagwe le Palesa. Ka jalo Baagileng o ne a tlhaloganya sentle fa
Mmathapelo le Palesa e le ditsala tse di ntshanang se se inong. (ts. 87)
➢ E rile mo maitseboeng o o neng o beetswe dikgaisano, Baagileng o ne a ya kwa
ntlolehalahaleng mme a fitlhela gotlhe go rulagantswe go beilwe ka mananeo. Maina a
baemedi ba bagaisani a beilwe mo ditafoleng tse di farologaneng mme le la gagwe le
tlhagelela mo go nngwe ya ditafola e a neng a tshwanetse go nna mo go yona. (ts. 88 - 89)
➢ Dikgaisano e ne e le tsa ANNUAL COMMUNICATION AWARDS: ECHOES OF AFRICA (ts. 88)
➢ ELA TLHOKO: Tlhaloso ya moaparo wa bagaisani ba Makgarebe (ts. 88 tema ya bofelo)
➢ Dikgaisano di ne tsa simolola go kgatlhmpana jalo go kgwiwa Sejatlhapi ka dinko setlhogo sa
dikgaisano e ne e le “AN EYE FOR AN EYE MAKES THE WORLD GO BLIND”. Palesa o ne a
kgona go fenya kgaisano eo. (ts. 90 – 91).
➢ Fa dikgaisano di ya bokhutlhong, go ne ga iwa kwa dijong mme morago ya nna moletlo wa
mmino wa go garela dikgaisano. Botsukunape le bonweenwee jwa ga Baagileng bo ne ba
simologa teng fano.
➢ E rile fa a ntse a bina le Palesa go itumetswe, ke fa a ntse a tshelela Palesa beine e ntsi a e
tlatsa galase mme ena a sa itlaletse maikaelelo e le go mo thaura gore a kgone go tsietsega
bonolo fa a ipala mabala mo go ena. (ts. 92)
➢ E rile fa Palesa a nna mo maibing a beine e a neng a e khaunyetswa ke Baagileng, a bo a
simolola go bolelela Baagileng ka ga lekau le gagwe la go tloga bonnyeng e leng Matsetseleko
le ka mokgwa oo a ka se kgaoganeng le ena ka teng. Baagileng fano o ne a lemoga fa a tlaa
phatlhola lerubisi tlhogo mme ya re a le sela a fitlhele e le nonyane ya baloi. (ts. 93)
➢ Morago ga tsotlhe tseno go ne ga phatlhalalwa mme ga iwa kwa diphaposiborobalong.
Baagileng o ne a tlhamalela le Palesa ka gangwe fela kwa phaposing ya gagwe ya 27.
➢ Mmathapelo le ena o ne a kgona go goroga mo Tshwane go setse go le bosigo thata. O ne a
ya fela kwa bothathing mme a ba botsa fela ka ga Baagileng. Ka gangwe ba ne ba mo neela
mosimane wa modisadikago go mo isa kwa phaposing ya ga Baagileng ya 27. (ts. 94)
➢ E rile fa ba lebile kwa phaposing eo, Mmathapelo a etelela mosimane kwa pele mme a fitlha
fela a bula phaposi le go tsena ka gangwe fela mo teng ga yona. O fitlhela go se ope mo
phaposing ya bonno mme o fetela kwa go ya borobalo kwa teng o boneng di-sa-bonweng.
(Baagileng le Palesa e leng tsala ya gagwe ya tlhogo ya kgomo ba ne ba atlana ka moatlano o o
tsitsibanyang mmele e bile Baagileng a elame Palesa a le mo godimo ga gagwe ba le mo bolaong. O
ne a ema nakwana a lebile tiragalo eno ka kakabalo mme e rile go bona tse di mo fetileng jalo, a bo
ka gangwe a wela fa fatshe a idibala, mme modumo wa go wa ga gagwe ya nna gona o tsibosang
Baagileng le Palesa fa ba ne ba se bosi mo phaposing.)
➢ ELA TLHOKO: Mokwadi a re: “A lemoga go setse go le thari gore tseo ga se tse di mo lekaneng.” (ts.
95, temana ya bobedi) - Fa o lebile Mokwadi o kaya eng ka ga tlhagiso eno?
➢ Fa Palesa a rulaganya go isa Mmathapelo kwa bookelong, Baagileng ena ke fa a gamaregile mme
e rile fa Palesa e se na go tswa le Mmathapelo go ya kwa bookelong, ena a sala a phuthaphutha
ditsagagwe mme a tsena ka lenga la seloko.(ts. 96)
14

➢ Palesa o ne a sa itse e bile a sa tlhaloganye gore tota seboko se tsene jang ka ntha ya nama gore
tsala ya gagwe e ngatege jalo mme a tlhoka dikarabo gonne e rile a boela kwa Kopadilalelo City
Lodge go ya go tlhola Baagileng, a fitlhela naga e le tshetlha.(ts. 96)
➢ Palesa o ne a boela kwa bookelong go ya go leka go botsolotsa Mmathapelo gore tota go rileng
mme Mmathapelo o ne a le bokoa e bile a hupetswe thata. Ka Palesa a itse fa bogale tsholo bo
omisiwa o ne a letela Mmathapelo go ritibala maikutlo mme morago ga gore Mmathapelo a
kokotlegele sentle o ne a tlotlela Palesa tsotlhe ka ga gagwe le Baagileng mme Palesa a lemoga fa
Baagileng a mo tsieditse. (ts. 97)
➢ Mmathapelo o ne a tenegela Palesa thata a akanya fa e le ena ntsi e tala mabodisa nama mme
seno se ne sa dira gore Palesa le Mmathapelo ba tshwarane ka diatla mo teng ga phaposi ya
bookelo.
➢ Ngaka TILODI APHANE, wa kgateleo ya tlhaloganyo o ne a bidiwa mme a ba tsaya a ya go bua le
bona le go ba neela dikgakololo le maele mme seno se ne sa ba thusa thata mme botsala jwa
bona jwa tia le go feta kwa tshimologong go na le gore bo thubege. (ts. 99)

➢ Baagileng o boetse kwa Phiritshweu e bile o begetse Kgosi Kgololo gore o tsamaile jang fela
tiragalo ya kwa City Lodge magareng ga Mmathapelo le Palesa a se ke a e ama ka gope.
Kgosi Kgololo o ne a mo lebogela kemonokeng ya gagwe.
➢ Le fa go le jalo go nna ga gagwe mo Phiritshweu go ne go mo kokonela a sa itse gore tota o
ya go leba Mmathapelo jang fa a boela gae. O ne a tsaya tshweetso ya gore fela fa ngwaga o
fela o tsena ka lenga la seloko mo Phiritshweu gonne a tshaba go lebaganya matlho le
Mmathapelo. (ts. 101)
➢ Fa Mmathapelo a boela sekolong morago ga malatsi a ka nna mararo, ke fa Baagileng a
kokonelwa ke manno, a sa kgone go nna ka tsepamo. O ne a nna fela mo teng ga ofisi ya
gagwe a sa tswele kwa ntle jaaka gale go fitlhela sekolo se tswa. O ne a dira jalo go fitlha
tsatsi leng a re kgatlha thuu! le Mmathapelo mo patlelong ya sekolo. Mmathapelo o ne a
mmolelela masana a kokometseng a di mo katela ka ditsebe go fitlhela Baagileng a taboga ka
lebelo a siela mo teng ga kantoro ya gagwe. (ts. 102). E ne ya nna gona fa kgolagano ya ga
Baagileng le Mmathapelo e phepheulwang ke noka foo.
➢ Palesa le Mmathapelo ba ne ba ikgatholosa tiragalo eo ya kwa Tshwane mme ba tswelela ka
porojeke ya bona ya lenaanetsiboso la bolwetsi jwa HIV/AIDS mo bašweng. (ts 103)
➢ Mo malatsing a boikhutso a Keresemose fa Palesa a tlile gae, go ne ga diragala gore dikgang
tsa bona tsa kwa Tshwane di sutlhe gonne tota le fa o ka e buela lengopeng, magakabe a a go
bona. E rile fa di phasalala le motse jalo jaaka molelo wa tlhaga go le mariga, Baagileng a
swetsa go nyelela ka ponyo ya leitlho. O ne a kopa gore ba lefapha ba mo romela kwa
Setlagole FET College.. (ts. 104)
➢ Ka moleleka kgama ya mariga a e leleka a tshotse kobo, Bra Boots, o ne a tswelela ka letsholo
la gagwe la go tsomana le Matsetseleko. O ne a boela gape kwa meepong ya Matikiring gonne
a ne a belaetse lomepe le go utlwela motlhala golo gongwe. (ts. 105)
➢ O rile go goroga kwa Kgaladi a tshokane a emisa mo lebenkeleng la mopotokisi mongwe go
reka dijo le go ikhutsa ka a ne a tshwerwe ke tlala mme e bile a lapile thata. Fa a ntse a ja
jalo a tshokane a bona mongwe a sokasokana le sejanaga sa gagwe kwa ntle mme ka gangwe
15

a tabogela kwa go ena. Fa a lebile kwa go ena a utlwa a betswa ke sengwe kwa morago mme
a wa dipone tsa tima. Magodu a tsaya sethunya sa gagwe le sejanaga mme ba sia ka sona.
(ts. 105 temana ya 3)
➢ Magodu ba rile go sia ka sejanaga sa ga Bra boots jalo ba bo ba kopana le mongwe mo tseleng
a kopa go pegiwa mme ba ema go mo pega. Ya bo e ne e le Matsetseleko yoo. Banna ba ba
mo sejanageng ba ne ba se ragosa ka lebelo le le tsitsibanyang mmele mme Matsetseleko a
lemoga gore fano gona o itswetse nkgwe sa santlhoko. A leka go ba kopa go emisa gore a
fologe mme ya bo e le fa a ne a bua le bothuntsebe. (ts. 106 – 107)
➢ Mapodisi a ne a ja sejanaga seo sa magodu leswe morago ga gore rralebenkele a ba letsetse
mogala morago ga go bona se se diragaletseng Bra Boots.
➢ E rile fa mapodisi a ba atamela, magodu ba simolola go iteisana borantha le bona ka go
thuntshana le bona mme seno sa dira gore Matsetseleko a tshoge thata le go ineela fela gore
fano gona o lebagane le loso mo matlhong. (ts. 108)
➢ Fa go ntse go lelekisanwe jalo go ne ga diragala gore mokgweetsi wa sejanaga sa magodu a
latlhegelwe ke taolo mme sejanaga sa bona sa wa go tswa kwa godimo kwa thoteng sa wela
kwa tlasetlase ga dithota tsa meepo. Se ne sa sugagana moo se neng se se na bolejo. (ts. 108)
➢ Mapodisa ba ne ba sekaseka sejanaga mme ba fitlhela go le batho ba le bararo mo teng ga
sona e bong Matsetseleko le magodu a mabedi. Bobedi jwa magodu ba ne ba sule mme
Matsetseleko ena go lebega fa a ne a idibetse fela. (ts. 108)
➢ Matsetseleko o ne a tsewa a isiwa kwa bookelong mme a nna ka fa tlase ga tlhokomelo e kgolo
ya mapodisa ka gobo e ne e le mmelaelwa yo mogolo wa magodu a diteemane. Seno se ne se
dirwa le go totobatswa ke gore go fitlhetswe faele ya kwa kgolegelong e e neng e bontsha fa
Bra Boots a sa bolo go batlana le ena le fa go ne go sa totobadiwa gore o ne a mmatlela eng.
Ka jalo seno se ne se dira gore mapodisa a belaele gore gongwe Matsetseleko o na le dikgetse
tse dingwe tsa bogodu le botsukunape kwa Phiritshweu ka jalo o ne a siitse mo Kgaladi. (ts.
109)
➢ Fa Matsetseleko a se na go tlhapogelwa le go nna botoka, o ne a tsewa ka gangwe mme a
isiwa kwa kgolegelong le go kgarakgatshiwa ke mapodisa go letela Bra Boots gore a siame pele
ka le ena a ne a sa ntse a le kwa bookelong ka ntlha ya dikgobalo tse magodu a di mo
ntshitseng fa ba ne ba mo tseela sejanaga.(ts. 110 - 112)
➢ ELA TLHOKO: Matsetseleko o nna gape le toro ya boraro fa a ntse a le kwa bookelong. O lora a
amegile mo kotsing ya sejanaga. (ts. 110 temana ya bofelo)
➢ Morago ga gore a ntshiwe kwa bookelong, go ne ga iwa kwa kgotlhatshekelo kwa Bra Boots a
kopaneng le Matsetseleko gape morago ga go mmatla lobaka lo lo leele. Kelogile, mmaagwe
Matsetseleko, Kgosi Kgololo, Palesa le Segonyamatlho e ne e le bangwe ba batho ba ba neng
ba le teng mo tshekong ya ga Matsetseleko. (ts. 113 – 114)
➢ Morago ga ditlhaloso tsotlhe go tswa mo go Bra Boots go ne ga lemogwa fa Matsetseleko a se
na molato ka gope mme dikgetse tsotlhe kgatlhanong le ena di ne tsa tshololwa mme a
gololwa mo kgolegelong. Go ne ga fetelwa kwa go Segonyamatlho go ya go buga legaba gonne
tota Segonyamatlho a ne a baakantse moletlonyana wa sephiri ka a ne a itse sentle gore
Matsetseleko ga a na molato. (ts. 114 – 115)
➢ Kelogile o ne a leboga Segonyamatlho thata gobo a mo godiseditse ngwana le go mo neela
tšhono ya gore a bo a nnile se a batlang go nna sona mo botshelong mme Matsetseleko o ne a
tsaya tshweetso ya go boela gae. Bra Boots ka fa letlhakoreng je lengwe o ne a itumeletse fa
16

letsholo la gagwe le ile bokhutlhong mme a bone se a neng a sa bolo go se batla fa go twe
pelotshwaana boela mannong ka mmatla sa gagwe a se bone. (ts. 115.)

X I

➢ Mopadi jaanong fano o re busetsa kwa Phiritshweu gonne tota gaabo motho go le thebe
phatshwa e bile legae lona ke botshabelo. (ts. 75 -86)
➢ Ka maropeng go boelwa kwa go sa boelweng e leng teng, re bona jaanong Matsetseleko fano a
tsamaya le mmaagwe e bong Kelogile ba kgabaganya fag are ga ditšheše tse dintle ba ya ba
lebile kwa ntle ga motse kwa dirapeng tsa baswi Kelogile a ya go supetsa Matsetseleko phuphu
ya ga rraagwe. (ts. 118)
➢ Fa ba goroga kwa dirapeng, Matsetseleko o ne a sela letlapa mme a le baya mo godimo ga
phuphu ya ga rraagwe pele a baya dithunya tse a etileng a ntse a di kgetlha fa ba ntse ba tla
mo mabitleng jalo. Kelogile o ne a mo katoga a mo tlogela gore a ngunangune le rraagwe
gonne tota dikgang tsa banna ga di tsenwe. (ts. 118)
➢ Fa Matsetseleko a ntse jalo mo phuphung ya ga rraagwe go bua le ena, segakolodi sa gagwe se
ne sa mmusetsa kwa morago fa a ne a sa ntse a gola a tshela a patagane le rraagwe ka dinako
tsotlhe a tsaya gore rraagwe o a mo rata e bile o mmaakanyetsa isago e ntle ntekwane rraagwe
o mmatla fela go tshegetsa se ena Kgori e leng sona. (ts. 119)
Mokwadi o re lemosa fa go le bonolo go ka tlhagolela ngwana wag ago tsela ka thuto, fela ga o ka ke
wa mo pateletsa go nna se wena motsadi o batlang gore a nne sona.(ts. 119 temana ya 3).
Mokwadi a re Kgori o ne a atisa go raya Matsetseleko a re o batla gore a gole ka mokgwa o ena Kgori
a godisitsweng ka teng go seng jalo o mo tlogedisa sekolo. (ts. 119, tema ya bofelo.
➢ Matsetseleko o ne a bua sengwe le sengwe se a neng a eletsa go se bua le rraagwe a ntse a
putsaputsa dikeledi jalo mme a retelelwa ke go ntsha lentswe fa a re o bua le rraagwe, mme
jaanong a lebisa mafoko ka tlhamalao kwa go mmaagwe: (ts. 120).
“Mma, ke ne ke tlhabilwe ke mmutlwa mo lonaong ka nako e rre a neng a nkgarakgatsha ka yona.
Ke ne ka go kopa gore o ntlhomole mmutlwa mme wa ntshega lonao.” (ts. 120)
➢ Seno ke bokao jo bo tsepameng jwa setlhogo sa padi eno.
➢ Matsetseleko o bua fa kgarakgatsho eno ya ga rraagwe e le yona e dirileng gore a ngwege mo
gae ka a ne a solofetse fa mmaagwe a ne a tlaa mo ema nokeng gonne a itse mmangwana a
tshwara thipa ka fa bogaleng mme seno ga se a ke sa diragala go tswa mo go Kelogile.
➢ Sebe sa phiri ke gore Kelogile o ne a boifa Kgori lobaibai, ke ka moo a neng a retelelwa ke go
thusa Matsetseleko fa Kgori a ne a ntse a mo kgarakgatsha. (120)
➢ Le fa go le jalo, Kelogile o ne a tiisa Matsetseleko mooko ka go mo lemosa fa setlhare se se
mebitlwa e e metswi e e neng e mo tlhaba se wele mme se se kitla se tlhoga gape ka letsatsi
lepe. (ts. 121)
➢ Kelogile le Matsetseleko ba ne jaanong ba tloga mo mabitleng jalo mme ba boela gae ba
iketlile ba ntse ba tsere dikgang tsa botshelo pelo ya ga Matstseleko e boetse mannong a
ritibetse le maikutlo.
➢ Matsetseleko o ne a tshwanelwa ke go nna malatsinyana mo Phiritshweu go itlwaetsa sele le
sele gonne go ne go le dilo di le dintsi tse di neng di fetogile mo motseng wa gaabo pele a ka
boela kwa Kgaladi. (ts. 121)
17

➢ O ne jaanong a ya go kopana le Kgosi Kgololo mme a mo lotlegela tsotlhe tsa kwa a tswang
gone mme le Kgosi Kgololo a mo itsese ka ga maikaelelo a puso a go tlisa ditlhabololo mo
motseng jaaka ditsela, motlakase, metsi jalo le jalo, fela diporojeke tseno di diegile go le
gonnye ka ntlha ya tlhaelo ya matlole. Matsetseleko o ne a bona fa go le matshwanedi go ka
tsaya maikarabelo a go tsweledisa diporojeke tseo mme a tsaya tshweetso ya go ya go leboga
tiro kwa meepong. (ts. 122)
➢ Matsetseleko o ne a itsese Kgosi Kgololo gore o tla boela kwa meepong mme o tla ba kopa
dithuso tsa go ka tsweletsa diporojeke tseo mo motseng wa gaabo gonne o a tle a bone moepo
o thusa metsana e mengwe ka diketleetso, ke jalo o ne a kopa Kgosi Kgololo ditlankana tsotlhe
tse di maleba gammogo le dimmepe.(ts. 122)
➢ Matsetseleko o ne a boela kwa meepong mme a fitlha a leboga tiro ka e ne a ikaeletse go ya
go thusa kwa motseng wa gaabo, mme bothathi jwa moepo bo ne ba utlwa botlhoko thata fa
Matsetseleko a leboga tiro, mme kutlobotlhoko ya bona e ne ya etegetswa kef a jaanong le
Kukama, modirammogo le Matsetseleko le ena a rola tiro a inaakanya le go ya go thusa
Matsetseleko go tsweledisa diporojeke tsa kwa motseng wa gaabo. (ts. 123)
➢ Bothiti jwa moepo ga bo a ke jwa gana go ka thusa Matsetseleko mo tsweletsong ya diporojeke.
Ba ne ba etleeletsa diporojeke tsa kwa Phiritshweu ka Dimilione di le lesome tsa diranta go
tsweletsa diporojeke tseo. (ts 123)
➢ Matsetseleko le Kukama ba ne ba tlhagafalela tiro ya bona mo tsweletsong ya diporojeke tseo
ba e pataganetse. Go ne go semeletswe mo motseng wa Phitritshweu mme gape ba ne ba
thusitse ka go neela bomatlhalela ba motse oo ditiro.
➢ Kukama o ne a etelete pele Porojeke ya tsa Tlhaeletsano fa Matsetseleko ena a ne a lebeletse thata
ya Motlakase le Ditsela. (ts. 123)
➢ Fa malatsi le dikgwedi di ntse di tsweletse jalo Kukama o ne a tlela Matsetseleko ka kakanyo
ya gore ba gorose dingwetsi le bona ba tshwane le banna ba bangwe.
➢ Matsetseleko o ne a nyala Palesa, mokapelo wa gagwe wa go tloga bonnyeng jwa bona fa
Kukama ena a ne a nyala Mmathapelo, tsala ya ga Palesa. Manyalo a bona a ne a diretswe
moletlo ka letsatsi le le losi. (ts. 124)
➢ Fa kutlobotlhoko ya ga Matsetseleko e ntse e apoga jalo e apogela boitumelo, go ne ga
tshwarwa moletlo o mongwe gape kwa Phiritshweu e le wa go tlhoma Matsetseleko go nna
Rrateropo wa motse wa Phiritshweu. (ts. 125)
➢ Mo maitseboeng a letsatsi leo, Kgosi Kgololo o ne a tsamayatsamaya le Matsetseleko ka
sejanaga se sešwa sa ga Matsetseleko jaaka batho ba iphokisa phefo. Palesa o ne a setse kwa
morago le maseanyana a gagwe a mawelana e bong MAPHAKELA LE BOKAMOSO.(ts. 126)
➢ E rile ba le kwa godimo ga thota ba okame motsana wa Phiritshweu ba lebile maphatsiphatsi a
dipone tsa motlakase, Kgosi Kgololo a re go Matsetseleko:
“Molelo wa kgotla o rraago a neng a eleditse gore o nne mogotsi wa ona kwa kgotleng ya kgosi
letsatsi le letsatsi, ke ole o a nyedima kwa Phiritshweu.” (ts. 126)
➢ Kgosi Kgololo o ne a raya motlakase o o neng o galaleditse motse wa Phiritshweu gonne ona
tota o tlile ka ena Matsetseleko.
➢ Fa ba ntse ba le foo, Kgosi Kgololo o ne a bolelela Matsetseleko fa jaanong a rola le bogosi
jwa Phiritshweu mme a bo rolela mo magetleng a gagwe gonne a nyetse morwadie e bong
Palesa. Ka jalo o ne a bua gore Mosadi a ka se buse e tswa monna a le gone. (ts. 127)
➢ Ka jalo padi eno e wela jalo Matsetseleko a rwele maikarabelo a le mabedi mo magetleng a
gagwe e leng a boRrateropo le a Bogosi….(tse 127)
18

B O K H U T L H O

2. PUO LE SETAELE

➢ Puo e mokwadi a e dirisitseng ke e e tlhamaletseng sentle, ga e motsopodia e bile ga e


matswakabele. E pholole. E na le manatetshapuo jaaka diane, maele le dikapuo.
➢ Setaele sa gagwe sona ke se se tlwaelegileng. Dintlha tsa gagwe di salana morago sentle e bile di
lomagana sentle ga di motsopodia. Le fa go le jalo mokwadi e kete o tsamaile a timelelwa ke
dintlha dingwe fale le fale mme a iphitlhela a tsentse dintlha dingwe tse di sa dumelesegeng e
bile di gakgamatsa.

3 BAANELWA

3.1.BAANELWA BAGOLO/BAGAMI

➢ Baanelwa ba e leng bagami fano ke :

3.1.1.MATSETSELEKO– Ditiragalo tsotlhe tsa padi eno di ikaegile ka ena. Ke ena a re tsholetseng
molaetsamogolo wa padi eno. O gola a tlhabilwe ke mmutlwa mo lonaong e leng go kgarakgatshiwa ke
rraagwe e bong Kgori mme o tlhoka motho yo a ka mo tlhomolang mmutlwa oo ka jalo o swetsa ka go
ngwega fa gae go ya rraagwe a bo a sama le badimo mme a se ke a nna teng le mo phitlhong ya gagwe.

3.1.2. KGORI: Le ena re mo tsaya jaaka moanelwa mogolo gonne o tshegeditse gore ditiragalo tsa padi
eno di senoge sentle gonne Matsetseleko o ngadile mo gae ka ntlha ya go leka go mo pateletsa gore a
dire tiro ya gagwe kwa kgotleng.

3.2. BAANELWA BATLATSI/BATSHWARAKGAMELO

➢ Baanelwa ba e leng batshwarakgamelo ba akaretsa

3.2.1. KELOGILE– Ke mmaagwe Matsetseleko yo a nnileng le seabe se se rileng mo botshelong jwa ga


Matsetseleko jaaka mmaagwe. Matsetseleko o ne a solofetse gore gongwe mmaagwe a ka mo thusa mo
kgarakgatshong e a neng a e fiwa ke rraagwe mme mmaagwe o ne a ikgatholosa seo.

3.2.2. PALESA– Ke mokapelo le mosadi wa ga Matsetseleko yo a nnileng le seabe mo botshelong jwa ga


Matsetseleko ka go mo neela tshegetso le lerato le le dirileng gore Matsetseleko a bo a feleletse e le kgosi
ya motse ka ntlha ya gagwe.

3.2.3. BRA BOOTS (SEBOGODI TLHOPEDI): - Lepodisi le le neng le tshabega thata mo motseng yo a nnileng
le seabe sa go leka go ka batlana le Matsetseleko go simologa ka letsatsi le a ngwegileng ka lona mo gae
go fitlha a bo a mmona morago ga gore a bona kotsi ya sejanaga sa gagwe.

3.2.4. SEGONYAMATLHO: - Monna wa kwa Kgaladi yo e neng e le rrakgwebo yo a tshotseng Matsetseleko a


mo dira ngwna wa gagwe go fitlhela Matsetseleko a atlega mo botshelong jwa gagwe .
19

3.2.5.KGOSI KGOLOLO: - Kgosi ya motse wa Phiritshweu yo a neng a rata tswelopele le ditlhabologo mo


motseng wa gagwe mme a ratela bana ba gagwe isago e ntle yo kwa bofelong a neng a abela
Matsetseleko bogosi jwa gagwe.

3.2.6. MMATHAPELO: - Ngwana wag a Bra Boots le tsala ya ga Palesa yo a neng a aga a neela Palesa
maele ka ga kgolagano ya gagwe le Matsetseleko. O tshamekile karolo e tona thata mo go reng lerato la
ga Palesa le Matsetseleko le se ke la bo la reketla gonne nako le nako o ne a aga a bua le Palesa fa a
hutsafetse ka ntlha ya Matsetseleko.

3.2.7. BAAGILENG – Lekawana la Motlhatlheledi kwa Thuto-Kgololo yo e neng e le mokapelo wa ga


Mmathapelo mme a batla go tsietsa Palesa go ratana le ena.

3.3. BAANELWA FELA:

3.3.1. KUKAMA – Tsala e kgolo ya ga Matsetseleko yo e neng e le modirammogo le Matsetseleko. O ne a


dira le Matsetseleko mo diporojekeng tsa motse wa gaabo mme a nyala tsala ya lekgarebe la ga
Matsetseleko e leng Mmathapelo.

3.3.2. TSHETLHO: - Morongwa mogolo wag a Kgosi Kgololo yo ngwana wa gagwe a neng a nna
motlhokomedi wag a bana bag a Matsetseleko le Palesa.

3.3.3. MMALEBOTSA MOGOROSI: - Mme wa Motlhatlheledi yo a neng a bolelela Mmathapelo gore


Baagileng o ile kae.

3.3.4. MORONGWA: - Mosadi wa ga Segonyamatlho yo a neng a aga a apaya dijo tse di monate.

3.4. DIMELO TSA BAANELWA

➢ Barutwa ka bontsi ba bapola phage mangana fa ba tshwanetse go fana ka Semelo sa moanelwa.


Go le gantsi ba neelana ka Tshobotsi boemong jwa semelo. Ga ba itse pharologano magareng ga
Semelo le Tshobotsi.
➢ Fa re bua ka semelo sa moanelwa re a bo re lebile mekgwa ya gagwe ka botlalo. Re se lemoga ka
ditiro tsa gagwe, dikgatlhegelo tsa gagwe, moaparo wa gagwe, dipuo tsa gagwe le se baanelwa
mmogo ka ena ba se buang ka ga gagwe. Tshobotsi le yona e ka akarediwa mo semelong.
➢ Tshobotsi yona go le gantsi mokwadi o a e tlhagisa mo lokwalong lwa gagwe. Go le gantsi yona
e akaretsa sebopego sa motho go ya ka moo a leng ka teng go akaretsa le mmala wa gagwe.
➢ A re boneng jaanong Dimelo tsa bangwe ba baanelwa ba ba leng botlhokwa mo pading eno:
➢ Ditshobotsi di tlhagelela jaana:
Matsetseleko – tsebe 3 tema 2
Kelogile – tsebe 5 tema 4
Palesa – tsebe 22 tema 2
Mmathapelo – tsebe 22 tema 2
Bra Boots – tsebe 32 tema 2
Kgori – tsebe 68 tema ya 1

1. MATSETSELEKO: O ne a le boikobo. A le lerato. A rata kagiso. A le bonolo . A le pelotelele.


A le matlhagatlhaga. A dira tiro ya gagwe ka matsetseleko
20

2. KGORI: O ne a le bogale. A le bosilo. A le peloemaswe. A se na kutlwelobotlhoko. A se na


letswalo. A ema ka la gagwe. A sa reetse kgakololo ya ga ope.

3. PALESA O ne a le bonolo. A le lerato. A le pelontle. A le botlhale. O tsietsega bonolo. A le


pelonolo. A le bokgwabo.

4. MMATHAPELO: O ne a le pelotshweu. A le bonolo. A le lerato. A le pelotelele. A le botlhale


thata. O ne a le mabela. A le bogale.

5. SEGONYAMATLHO: O ne a le bonolo. A rata nnete. A le pelontle. A le botho. A le lerato. A


ratela batho tswelopele le fa a sa ba itse.

6. SEBOGODI TLHOPEDI (BRA BOOTS): O ne a siame. A rata kagiso. A le kelotlhoko. A le bogale.


A le botlhale. A le pelotelele. A ema ka la gagwe. E le segatlhamelamasisi.

3. MORERO

➢ Morero kgotsa molaetsa wa padi eno o bonolo thata fela. Tota fa o ela tlhoko se mokwadi a neng
a leka go se re ruta le go se re lemosa ka padi eno ya gagwe ke gore ga o a tshwanela go ineela
mo botshelong le fa go ka nna thata jang kgotsa jang. Mokwadi o gatelela gore a batsadi ba se
ke ba tlhophela bana ba bona se ba eletsang go nna sona mo botshelong gonne go le gantsi be
fitlhela ba kgoromeleditse bana ba bona mo go direng dilo tse ban eng bas a di solofela. Re bona
Matsetseleko a ngwega mo gae ka ntlha ya fa rraagwe a ne a mo pateletsa gore a dire tiro ya
gagwe ya go gotsa molelo kwa kgotleng.
➢ Diteng tsa lokwalo lono di lebega di ikaegile thata ka dipuo tse di reng:
1. Moepathutse kolomela o etse mhata sediba gonne ga go lehumo le le tswang fa gaufi.
2. Nko ya kgomo mogala tshwara ka thata e se re go utlwa sebodu wa kgaoga.
3. Moleleka kgama ya mariga o e leleka a tshotse kobo.
4. Ntlhomole mmutlwa ga se ntshege lonao.
➢ Ditiragalo tsotlhe tse di diragaletseng Matsetseleko di tsamaisana sentle le dipuo tseno. Re mmone
a ngwaga mo gae a inaya naga go ya go ipatlela se e ka nnang isago ya gagwe go na le go dira
se rraagwe a neng a se mmatlela. O a kgaratlhela go bona tiro kwa meepong. O direla
Segonyamatlho kwa ntle ga tuelo. O bona tiro mme o ithuta ka tsa motlakase morago ga go bona
se a neng a se batla mo dbotshelong o boela gae go tsweletsa ditlhabololo kwa motseng wa gaabo.
➢ Palesa le ena re mmone a kgaogana le Matsetseleko ka lobaka lo lo leele mme a itshoka tota le fa
Baagileng a ne a leka go mo tsietsa go ya a bo a boela a kopana le Matsetseleko mme ba
nyalana.
➢ Re utlwile Matsetseleko fa a ne a bua le mmaagwe a mo raya a re ke ne ke tlhabilwe ke mmutlwa
far re a ne a nkgarakgatsha mme ka go kopa gore o ntlhomole mme wena wa ntshega lonao.
21

5. DISODISOTSWANE

➢ Fa re bua ka Disodisotswana, re bua ka dintlha dingwe tse di tlhagelelang mo padding tse e


keteng ga di dumelesege, tse go lebegang jaaka e kete mokwadi o di pateleditse kgotsa ga a a ke
a di lemoga fa a di tlhagisa.
➢ Seno se ka dira kef a mokwadi a tshwanelwa ke go totobatsa ntlha nngwe e e riling kgotsa a
lebetse go tlhagisa ntlha nngwe ya botlhokwa mme e re e tshwanelwa ke go tlhagelela mo
karolong eo o bone e le selo se se sa dumelesegeng.
➢ Disodisotswane re ka di tsaya jaaka makoa a mokwadi mo go tlhameng padi ya gagwe.
➢ Go na le dintlha di le mmalwa tse di re gakgamatsang re le babuisi ba padi eno tse re
ipotsolotsang dipotso ka tsona mme re se na dikarabo tsa tsona. Dintlha tseno di akaretsa:

1. Go amogela Matsetseleko ga Segonyamatlho: Re bona Segonyamatlho a amogela Matsetseleko a


bo a nna le ena fag a gagwe jaaka ngwana wa gagwe a sa tseye matsapa ape a go ka batlisisa gore
tota Matsetseleko o tsa kae.
2. Go retelelwa ga Bra Boots go itse Matsetseleko: Re itse e bile re tlhaloganya sentle gore
matsetseleko o goletse mo motseng o Bra Boots e neng e le lepodisa kwa teng mme e bile o ne a
godile le ngwana wa ga Bra Boots gammogo le Palesa. Ka jalo ga go ka moo Bra Boots a neng a ka
retelelwa ke go lemoga Matsetseleko ka teng.
3. Go pega Matsetseleko mo koloing ke magodu – Go le gantsi batho ba ba tseetseng motho sejanaga
ka dikgoka gab a ke ba emaema mo tseleng ba pega batho mme re bone magodu a sejanaga ba ema
ba pega Matsetseleko.
4. Kotsi ya Sejanaga sa magodu: Sejanaga sa magodu se bone kotsi moo se neng sa sugagana moo
se neng se se na le bolejo mme magodu ka bobedi a tlhokafala mme Matsetseleko ena a kgona go
tshela. Go ya ka moo re bontshitsweng sejanaga seo morago ga kotsi, ga go ka moo motho a ka
tswang mo teng ga sona a tshela.
5. Dikgobalo tsa ga Matsetseleko le Bra Boots: Go ya ka mo re buisang ka teng bakgothusi bag a Bra
Boots ba mmeditse fela ka sengwe mme a ya bookelong fa Matsetseleko ena a ne a dule mo
sejanageng se se neng se sugagane mo go maswe le dikgobalo tsa gagwe di tsitsibanya mmele fela
re mmona a tswa kwa bookelong pela ga Bra Boots e tswa Bra Boots a ne a sa gobala mo go kalo.
6. Go nna Rrateropo le Kgosi ka gangwe: Eno le yona ke ntlha e e nang le dipotsonyana di le mmalwa
gore a ke tota go a kgonega gore motho a ka nna kgosi mo motseng a bo a nna Rrateropo ya motse
oo.
7. Go fiwa Bogosi ga Matsetseleko: Bogosi gab o itlodiwe e se letsoku bo a tsalelwa. Ga bo tlhophiwe
jaaka fa go tlhophiwa Moporesidente. Matsetseleko o ne a se na madi a bogosi fela o ne a apesiwa
letlalo la nkwe la morafe wa kwa Phiritshweu.

Ke lona lemmenyana le ke go tsholetseng lona leno mme kana lona ga le bolae, go bolaya lefifi.
Tlhokomela gore sejo sa me e ka nna botlhole jwa gago mme sa gago ya nna botlhole mo go nna.
Ka jalo le wena tshekatsheko ya gago e a amogelwa gonne ga re bone ka go tshwana. Tabola o
tlatse kgetse, ka moso o tla itumela, o bo o ikotlhaya. Moya matlhong a tau o ya a tshotse serumola.
22

A masego a lo atele

Di rulagantswe ke: Setlogolo sa ba Mmamarama ‘a kotu


O ka botsa maphiri a malapa ‘a ba mogale
Maphiri ga ba ja ga ba gadimane
Ke magadimana ntweng
Ke marutla theko tsa maratshukudu
Ke motho ‘a bo Seakgwe
A tsaya motho a mo akga
A mo rebotsa ka theko ‘a lerumo
Marilarila a bo Rrankhumise
Nna ke ngwana ‘a Makitle ‘a Mmagopane
Yo e rileng a gatile
Molwetse a tsoge, a tsogile
A ile go kgotha mogola.

Ka re ke makomula dithaka phiri tsa molapo wag a mogale


Ga ba jag a ba gadimane, ke magadimana ntweng
Ke motho wa bo senkgoroane sa Maori,
Ke motho wa bopelo beta, pelo boa o boele mannong,
Se pelo e neng e se batla e se bone.
Ke motho wa bo “khikhii” ke a tshege,
Mokhura tshegela nageng, naga e ntle ka setshego.
Ntlhako wa pele, ntlhako wa bo malaria,
Ntlhako o a neng a itse go konopa e bile a itse go amogetsa!

SEAKGWE S. PHALATSE

--------------------------------------------------

You might also like